Re dumalana le Matambo

Morago ga dingwaga di le dintsi puso e ntse e gana ka go ithola ditiro dingwe go di neela maphata le makgotla a a ikemetseng, go itumedisa thata go utlwa Tona wa madi Kenneth Matambo a bolela fa puso e obegile jaanong.

Mo pegong ya kgaoganyo madi a setshaba go ya ka maphata a a farologanyeng ka Mosupologo, go ne ga rokotsa mathe go utlwa fa puso e ikaeletse go dirisana le boradikgwebo. Se re dumela fa e se sepe se ka nnang thata kgotsa dingalo, ka go na le lekgotla la boradikgwebo ebong Business Botswana. Business Botswana, e e kileng ya bo e bidiwa BOCCIM e tswa kgakala e le yone lentswe la tshaba ya bagwebi mo Botswana.

Mo godimo ga se, re a itse fa e ne e ntse e leka thata go gakolola puso ka botlhokwa jwa go ithola ditiro dingwe ga puso. Mabaka a bone e ne e le gore lefatshe la Botswana fela jaaka mafatshe a mangwe ga le ka ke la baya sengwe le sengwe fela go gogwa kwa pele ke puso. Ka jaanong puso e amogetse gore ga e kake ya tlhama ditiro e le nosi, re ka gakolola fela gore a puso e fetole mokgwa o e ntseng e dira dilo ka teng. Re a itse gore puso e ka kgona go bua fela gore e amogela go ithola ditiro, bogolo jang ka e bona e sa tlhole o kgona gotlhelele.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up