Basadi ba kgabisa metshameko bontle

Mekgatlho e le mmalwa, go tloga fela ka dikhwaere, diphathi tsa sepolotiki le ditlhopha tsa metshameko ka go farologana ga tsone, di thusiwa thata ke basadi gore di kgone go dira le go gola sentle.

Tatedi le kemonokeng e ya basadi ga ntsi e bonwa thata kwa mabaleng a metshameko ka go farologana, se go bonala sentle gore se dirwa ka basadi ba ba nang le mowa o montle wa go neela batshameki ba ditlhopha tsa bone kemonokeng e ba e tlhokang go fenya dikgaisanyo.

Go setse go tlwaelesegile gore ditlhopha tsa motshameko wa kgwele ya dinao, tse ga ntsi di tshamekelwang ke banna, di na ke kemonokeng e ntsi thata ya basadi, mme ebile go lebega go ise go nne le setlhopha se se itshupang fa e le sone se ntshang nko mo go tse dingwe ka palo e e kwa godimo ya balatedi ba basadi. Basadi ba ditlhopha tsa diliki go ralala lefatshe lotlhe, ba kgaba thata ka dipaka tsa mebala ya ditlhopha tsa bone, se e le go supa gore barata go bona di dira sentle mo metshamekong ya tsone.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up