Teemane e lelwa mo makgobokgobong

Ditlhopha tsa liki ya Debswana
Ditlhopha tsa liki ya Debswana

Lefatshe la Botswana le segofaditswe ka dipula monongwaga tse jaanong di tshologang letsatsi le letsatsi, mme seemo se se tlogela ditlhopha tsa liki ya ntlha ya Debswana di tshwaragane le tiro e tona ya go mekamekana le metsi a a ememg mo mabaleng a tsone.

Mabala a tsone a fetogile makgobokgobo  a diretse le maloko a dikgomo. Metshameko e tshwarelwa fela mo go tsone diretse, sengwe se se sulafatsang le gone go baya matshelo a batshameki mo diphatseng ka ntlha ya go relela le go wela fatshe kgapetsakgapetsa.

Mabala a ditlhopha tse otlhe fela ga a na motlho o o thibegetsang mmu, mme ke sone se e reng fa pula e na, bogolo jang ka bontsi metsi a dire gore mabala a nne mo seemong fela se se sa siamang, mme go pateletse ditlhopha go tswelela le metshameko fela, bogolo jang ka go lebilwe ditshenyegelo tsa go ipaakanyetsa metshameko e le gone go e latela bokgakaleng.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up