Ga se go ba tsenya moko

Ga twe e rile a bua le batsadi ba bana ba Kgosi Neale Primary School kwa Molepolole, Mme Dineo Segobai, e le Mma Boipelego yo mogolwane wa Kweneng, a re, ngwana o aga botho bo e leng bone go simolola fela fa a tsholwa, go tsena a tshwara ngwaga tse nne.

A tlhalosa gore, mo nakong e, go tlhokafala gore batsadi boo babedi ba bo ba le teng go thusanya go godisa ngwana. Ngwana e se nne morwalo wa motsadi a le mongwefela fela, e ka nna mmaagwe ngwana kgotsa rraagwe. Ga twe a botlhe ba nne teng.

A tswela pele, a tlhalosa fa go aga ngwana go amiwa ke maikutlo a gagwe; ke gore, ka fa ngwana a tlaa bong a ikutlwa ka teng ka nako tsotlhe. Re tlaa dumalana gore, fela jaaka motho mongwe le mongwe, ngwana fa a nna a itumetse, o tlaa tsoga sentle, a gole sentle. Mme fa a nna a sudile mowa, ga a ka ke a gola sentle.  Jalo he, ga twe, Mme Segobai, o ne a kgothatsa batsadi go bona  gore maikutlo a bana ga a nne a kgoberegile.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up