A bo a betlwa?

Ba ntse ba re, e rile go bona Batswana ba wetswe ke lehuma, botshelo bo le thata, puso ya tla ka lenaneo la nyeletso lehuma, go leka go tlhatlosa ba ba kobo dikhutshwane. Ka lenaneo le, Batswana ba thusiwa ka dilo tse di farologanyeng.

Bangwe ba rekelwa dihutshane (dinku, dipodi) bangwe dikoko, ba bangwe ba thusiwe go bula kgwebo e bone ba bonang ba ka e kgona.

Pego nngwe e bolela fa mongwe wa ba ba thusitsweng ka lenaneo le, e le Mme Tities, wa motse wa Werda, kwa Kgalagadi. Ga twe Mme Tities ene o thusitswe go dira kgwebo ya go roka. Go bolelwa fa mo tirong e, mme yo a dira diaparo ka go farologana. Ga twe dingwe tsa diaparo tse ke dipurapura tsa bana ba dikole tse di kwa tlase, dingwe paka (uniform) ya bana ba dikole, fa tse dingwe e le diaparo tsa bagolo. Godimo ga moo, ga twe o bitiya le tse di onetseng.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up