A re nne re ye le tsone

Re tswelela le kgang ya rona ya diphoso tse re neng ra di bona maloba mo Naledi (Naledi Lwetse 14 2016) ka fa tlase ga Malomatsebe. Re ne ra re, diphoso tse, ke tsa mafoko a a sa kwalwang sentle.

E ne ya re boemong jwa gore mafoko a, a kgaoganngwe, a nne mafoko a mabedi, a tshwaraganngwa, a diriwa lefoko le le lengwefela. Jaaka re ne ra bua, se ke phoso e e diregang gangwe le gape fa bangwe ba kwala Setswana. Ra re, ke sengwe sa dilo tse di bolayang Setswana.

Lengwe la mafoko a re neng ra a ntsha e le sekai sa diphoso tse Naledi e di dirileng ke lefoko ‘yoo.’  Kwa tshimologong ya polelo ya Malomatsebe, Naledi e bua gore batho ke dibopiwa tsa Modimo mme ya re, ‘Mongwe le mongwe yoo tshotsweng ke mosadi ke sebopiwa sa Modimo.’  Re ne ra re lefoko ’yoo’ ga le a dirisiwa sentle ka gore fa, Naledi e le dirisitse e le lesupi (demonstrative).

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up