Manatetshapuo a diphologolo

Re simolotse kgang ya rona ya manatetshapuo ka go bua ka manatetshapuo a pelo. Ra fetela pele, ra bua ka a dikarolo tse dingwe tsa mmele jaaka lonao, matlho le tsebe. E tlaa re gompieno re wetse kgang e ka go bua ka manatetshapuo a diphologolo.

Jaaka re setse re bonye, Motswana o itse go kgabisa puo thata. Jalo he, ga re ka ke ra kgona go bua ka manatetshapuo otlhe, fa e se go nna re tlopola fela. Le gompieno re tlaa nne re tlopole mme seroto se nne se sale foo..

Fa re fetela pele, re utlwa Motswana a re go na le go itaya kgomo lonaka. Lenatetshapuo le, le dirisiwa go netefatsa se motho a neng a se bua mme wena ka nako eo, o ne o belaela gore ga se boammaaruri. A re re Mosetli o batla go ya go ga metsi kwa mogobeng wa Letloping. Morwadi o mo raya a re, gore a fitlhele metsi a ise a kgoberiwe ke dikgomo, ke gore a ye go sale moso dikgomo tse dintsi di ise di tle go nwa. Ka o rata boroko, Mosetli o palelwa ke go tsoga; o ya mogobeng bo setse bo sele.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up