Manatetshapuo a dikarolo tse dingwe

Re ntse re bua ka manatetshapuo a lefoko ‘pelo’, pelo gape e le nngwe ya dikarolo tsa mmele. Re bonye fa manatetshapuo a, a le mantsi thata, mme re ka se ka ra bua ka one otlhe, fa e se go okola fela. Ra dira jalo, ra okola, mme ga nna ga sala go le gontsi. Ka pelo ga se karolo ya mmele e le nosi, a re lebe ka ntlha e nngwe, re bone gore, tse dingwe dikarolo tsa mmele tsone, di dirisiwa jang go natefisa Setswana.

E a re a natetsha/natefisa Setwana, Motswana a re, go na le go baba lonao; a re motho o baba lonao.  E le eng motho a baba lonao?  Motho go a twe o baba lonao fa e le motho yo o tsamayang bobe.  Batho bangwe ga ba ikutlwe go tlhola mo gae.

Ba utlwane thata le go tlhola ba tsamaya le motse otlhe, go twe go tlholwa ditsala. Motho a tswe fa, a tsene fale, a tswe foo, a tsene fale, a tswe foo, a tsene fa gongwe gape. E tlhole e le yone tiro ya letsatsi lotlhe.  Motho e le Tshetsana a tswe, a re o etela Nthepha.  A tswe fa go Nthepha, a fetele pele, a ye kwa go Monei.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up