Mopako ga se wa dijo fela

E rile maloba ra bua ka lefoko ‘pinagare’ kgang e le gore lefoko le, le raya eng, le gore fa go twe selo ke pinagare ya se sengwe, go rewa eng. Re ne ra simolola kgang ya rona ka go supa fa dilo tse dintsi tsa Setswana di nyelela, mo e leng gore, bana ba gompieno ga ba di itse.

Re ne ra ntsha sekai sa gore, fa o ka botsa ka morokotso, ba le bantsi ga ba ke ba itse gore o bua ka eng. E re boemong jwa go bua ka morokotso wa kgomo, bone ba bue ka wa madi, wa banka, ka oo ke one o ba o itseng. Wa kgomo one, o fitlhele le ka matlho ba ise ba ke ba o bone.

Sekai se sengwe ya nna gore, o ka botsa ka pinagare, mme go nne go tshwane fela. Ba se ke ba itse gore pinagare ke eng. Re ne ra netefatsa se ka go ntsha sekai sa gore, ngwana mongwe o kile a bodiwa gore pinagre ke eng, mme karabo ya gagwe ya nna gore pinagare ke pina e e fa gare. E le eng a ne a bua jaana?  O ne a araba jaana ka go bona lefoko ‘pinagare’ le dirilwe ka mafoko a mabedi, e leng, ‘pina’ le ‘gare.’ Go bona mafoko a, mogopolo wa mo raya wa re, pina e, ke pina e e fa gare ga tse dingwe. Ngwana a bo a sa itire, ka tota a ne a sa itse pinagare, a ise a ke a e bone gope.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up