A re ele tlhaka eo tlhoko

E rile re ntse re fatafata fale le fale, ra kopana le polelo e e reng monna mongwe kwa Palapye o leka botshelo ka go betla. Monna yo, Rre Mogomotsi Solomon, o bolelwa a sale monanana, a le dingwga di masome mabedi le motso (21) mme a dira tiro ya gagwe a tiile moko, a tsentse marapo dinameng.

Ga twe fa a bolela, Rre Solomon a re kwa sekoleng o ne a ithuta tiro ya go dira ka diatla. Mme fela, ga go tlhalosiwe gore, tiro eo, ke efe ka jaana ditiro tsa diatla di dintsi. Go na le gone go betla, go nne le go apaya, go lema, le go tshwantsha, kana jaaka bangwe ba tle ba bue, go taka. Ga go tlhalosiwe gore mo go tse tsotlhe, tota Rre Solomon o ne a ithuta go dira ka diatla, a dira eng. 

Godimo ga moo, go bolelwa fa a re, tiro e ya go betla, ga e tsenela sekole, o e ithutile fela mo go ba bangwe. Mme ke yoo, o tlhagafetse o a betla, e bile kgwebo ya gagwe e bonala e tsamaya sentle. Polelo ya re o betla ditilo, ditafole, le dilwana/didirisiwa tse dingwe tsa ntlo ka mehuta, dingwe e le tse di beelang diaparo, dingwe ditlhako.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up