Leo ke Sekgoa

Go bolelwa fa letsholo la nyeletso lehuma le ntse le tsweletse. Gantsi ka nako ya dikgang, re a tle re bone batho bangwe ba fiwa dikobo, ba bangwe ba neelwa matlo, go bo go nne go bewe le tse dingwe fa godimo.

Ka ntlha e nngwe, bangwe ba letse megolokwane ba re ba filwe dikoko, bangwe dipodi. Go nne go ye koo fela ka lenaneo le la nyeletso lehuma, le tshwana le ntshe a tsamaisa, le bana bantsi.

E ntse e le kgang ya go nyeletsa lehuma, lenaneo le go buiwang ka lone thata gompieno ke la Women Empowerment, lone le le ka fa tlase ga Lephata la Gender Affairs. Fa mananeo a mangwe one a namile, a leka go thusa batho botlhe, banna le basadi, ka go tshwana, la Women Empowerment lone le bolelwa le lebaganye basadi fela. Ga twe ka lenaneo le, basadi ba ka thusiwa ka madi go itirela dikgwebo. Ba re, fa mosadi a le mongwe, o ka fiwa P10,000, ba le babedi ba ikopantse, P250,000 mme fa ba le bararo gone ke P300,000.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up