A re e lolamise

E rile maloba ra bua ka lefoko ‘go tsaya tema.’ Go thaya kgang, re ne ra botsa gore, fa Motswana a re batho ga ba lekane e se meno, a o bua ka popego ya bone kgotsa ka sengwe se sele? Re ne re botsa jaana ka batho ga ba tshwane ka popego le fa e le go lekana ka mmele. Ra re, fa bangwe ba le bakima, ba bangwe ba basesane.

Bangwe ba ditlhogo ditona fa ba bangwe ba le ditlhogo dinnye. Re ne ra re, e rile a bua jalo, Motswana a bo a lebile ka fa botshelo bo ntseng ka teng. O ne a bonye gore mo go bangwe, botshelo bo nolo, fa mo go ba bangwe gone bo le thata. Bangwe ba na le fa ba latsang tlhogo teng, ba bo ba bone sejo sa letsatsi, fa mo go ba bangwe, go sa nna jalo; bone go se fa ba lalang teng,  le gone go bona dijo go le thata. E rile go bona seemo se ntse jaana, ke gone Motswana a re, batho ga ba lekane e se meno.

Kgang  ya rona e ne ya tswelela ya re, e rile ka go bona batho bangwe ba imelwa ke botshelo, puso ya ntsha letsholo la go thusa ba ba kwa tlase ka mananeo a nyeleltso lehuma.  Re tsweleltse ra re, godimo ga moo, ga tlhajwa mokgosi wa gore, ba ba kgonang, ba thuse ba ba kwa tlase.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up