Seo ga se go phepafatsa

Kgang nngwe e e buiwang thata malatsing ano ke ya botsogo. Ga twe batho ba lwala malwetse a mantsi a tota re ka a hemang. Go bolelwa fa mangwe a malwetse a, a dirwa ke dijo tse re di jang jaaka letswai le lentsi, mahura le sukiri e ntsi.

Go twe, bangwe ga ba ele tlhoko gore ba ja eng, le gore ba ja go le kana kang. Go twe, go ja dijo mo go feteletseng, go felela go tlisitse malwetse a gongwe a ka bong a se yo, jaaka sukiri, madi a matona le bolwetse jwa pelo.  Gape ga twe, malwetse mangwe a dirwa ke go tlhoka go itshidila kgotsa go sidila mmele.

Godimo ga dijo le go tlhoka go itshidila, go twe tikologo e e leswe le yone e kgona go okela batho malwetse. Kgang e tswelele e re, malwetse mangwe ke a re ka a hemang ka go ela tlhoko gore re ja eng, go le kana kang, le gore, re nna fa go ntseng jang.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up