Mafoko ao ga a dirisiwa sentle

Re boa re etela Naledi gape mme gompieno re kopana nayo e bua ka lengana. Potso ya ntlha e ka nna gore, lengana ke eng? Naledi ya re lengana ke setlhatshana se se melang jaaka sekhi. Ga twe setlhatshana se, se na le dikala tse di lephutshe, fa matlhare one a le matala, e bile a na le boboa mo dithoko. Go bolelwa fa boboa bo, bo dira gore lengana le lebege le le lentle thata.

Re le batho, re na le diteme kana dipuo tse di farologanyeng. Ka jalo, re bitsa dilo ka go farologana, go ya ka diteme tsa rona. E re Motswana a re selo ke kgomo, yo mongwe fale ene a bitse selo seo ka leina le sele. Go bolelwa go ntse jalo le ka lengana. Setlhatshana se, se bolelwa se bidiwa ka maina a mantsi, a diteme tse di farologanyeng. Fa Batswana ba se bitsa lengana, ga twe bangwe bone ba re ke African wormwood, ba bangwe ba re ke umhloyane. Maina a sone a farologane fela jalo go ya ka diteme tse batho, ka go farologana, ba di buang. Mme lone lengana le bonwa kae?

Go bolelwa fa lengana le bonwa mo mafatsheng a mantsi a borwa jwa Aferika. Jaaka re itse, mono Botswana le teng, mme gape ga twe le bonwa kwa Aferika Borwa le mo mafatsheng  a mangwe a botlhaba le bokone jwa Aferika. Mosola wa lengana ke eng kgotsa le dirisediwa eng?

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up