Fa re kwala jalo ke leina

E rile mo lobakeng lo lo fetileng, Naledi ya nna ya kwala, e re rotloetsa go ja dijo dingwe, e supa ka fa di leng botlhokwa ka teng mo mebeleng ya rona. Gompieno re kopana le Naledi e re tlhagisa ka go ja sukiri e ntsi. Naledi ya re, re je sukiri, mme re ele tlhoko gore re ja go le kana kang; re lekanyetse.

Potso e ka nna gore, kwa ntle ga gore mo ganong e monate, sukiri e thusa mmele wa motho jang? Ga twe sukiri e fa mmele maatla le nonofo. Gape, e thusa boboko le madi go bereka sentle. Ba re, gore boboko bo bereke sentle, bo tshwanetse jwa bo bo na le thojana ya sukiri.

Go ntse go ntse jalo, re tlhagisiwa gore, a e se re re e ja sukiri, ra okiwa fela ke monate wa yone, ra a ja thata. Ga twe re je mme re lekanyetsa; ke gore re se je mo go feteletseng. Go bolelwa fa go ja sukiri thata e ka re kwa morago ga tsosetsa mmele malwetse mangwe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up