Lonao ga se leoto

Go na le batho ba ba dumelang gore lonao le leoto ke selo se le sengwefela, ga go na pharologanyo epe fa gare ga tsone. Ba bue jalo gape ka seatla le lebogo ba re tse le tsone di tshwana fela. A mme gone go ntse jalo?

Re setse re kile ra supa gore dilo tse ga di tshwane. Re ne ra re, leoto ga se lonao, lebogo le lone ga se seatla. Ra tswelela ra re, seatla ke karolwana ya lebogo e re tshwarang ka yone. Gape ra re, pele ga re tshwara dijo, re tlhapa diatla. Ke eng re tlhapa diatla? Re tlhapa diatla gore re se ka ra tshwara dijo ka leswe ka gore, re tshwara dijo ka seatla, e seng ka lebogo. Go supa gore re tshwara ka diatla, seane sa Setswana se re, ‘Moatlapedi(motho yo o diatla pedi ) ga a she.’

Fa re ya le seane se ka fa se buang ka teng, se raya gore, motho yo o nang le diatla di le pedi ga a she ka e tlaa re a tshwere sengwe se se molelo, e re a utlwa seatla se a tshwereng ka sone se e sha, a tlodise koo a ise ka kwa go se sengwe. Mme gone seane se raya eng. Seane se raya gore, motho yo o nang le mothusi (motho yo o mo thusang) ga a imelwe ke tiro ka e tlaa re a utlwa go le thata, a bitse yole go mo thusa. Go ntse jalo ka seatla. Lebogo ke karolo yotlhe ya mmele go tswa kwa legetleng go ya kwa tlase fa seatla sone e le karolwana ya lebogo e re tshwarang ka yone. Ka gore kgang ya gompieno ke ka leoto le lonao, a re name re tlogetse ya seatla foo, re bue ka lonao.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up