A ya Mheti. Ga nama go didimetse a sa bolele gore o tsamaile jang. Morago ga kgwedi tse pedi a ntse a ile, a kwalela kwa gae, a bolela fa a feletse a tloletse ka kwa Aforika Borwa mme a bona tiro mo komponeng nngwe e e dirang ditshipi (Steel Manufacturing Company). A bolela fa e le tiro e e monate thata, e bile e duela sentle. Kwa gae ba itumela, ba leboga, ba dumela fa ba tlaa tshela. Bana le bone a nna a ba gopola, a ba romelela madi.
Fa go ntse go ya, batho ba se ka ba itse gore go rileng. Dikwalo tsele tse di neng di ntse di goroga kgwedi le kgwedi, kana morago ga kgwedi tse pedi, tsa kgala. Ga se ka ga tlhola go nna le epe poso e batsadi ba e amogelang. Le fa kwa gae ba ne ba ka kwala, o ne a sa fetole. Ba tlhobaela, ba simolola go akanya dilo tse dintsi ka ene.