Ke ofe yo o tlhaelang?

E ne e rile di bolola tsa palama motlhaba tsa fologela ka kwa poaneng. Ka e ne e dikile e nele, tsa bo fitlhela bo le teng sentle. Di tlhotse ka koo di hula. Tota e se go hula, e le go tsaya fela ka loleme ka bo ne bo sa batliwe.

Fa di ntse di bo tsaya jalo, ke Thulare le ene a ya le leretlwa, a a ja moretlwa, ka le one o ne o se kana ka sepe. Nnyaa, a tlhola a iketlile e bile e kete ga a disa. Fa a sena go nna a ja fale, le fale,  a utlwa e kete letsapanyana le tlaa mo tlela. A bona monato o o moriti monate ke ole a ikhutsa fa go one. Le fa di ne di sa hulele gope kgakala, tsone le tsone ka nako e, di ne di setse di ngotlile mosepele, dingwe di bile di bothile. Fa a utlwa gore jaanong letsapa lele le dule, a kgalema, a itaya molodi. Tsa bo di setse di mo utlwile. Tsa tswa tsa leba mogobe wa Dikhujwana, e kubakuba kwa pele ga tsone kgomo e tshetlhana Gogalepai.

Ka le one o ne o se gope kgakala, go ise go e kae, ke di gorogile koo. Le one tsa a tabola, dingwe e kete le go boa ga di  na go tlhola di a boela gape.  Fa di tlhatloga tsa boa tsa ikgata motlhala, tsa feta ka poana, tsa ralala lenato. Fa di fologela ka kwa, ke di goroga mo morakeng. Ba tla basimane, ya feta ya lela kgamelo. Fela jaaka Motswana a rile e sisa e hudile, dikgamelo tsa phophoma, di sa sisa di a rwele mashi. Ya bo e ntse e le teng kgomo e e mashi a monate Bengbatsone. Ya di tshela dikgamelo mme ya sala e ntse e a rwele.  A o ka e lesa Thulare?  Fa a sena go gama, a neela namane gore e rokotse mme ga tloga ga anywa ene. Fa di sena go ata, tsa bolola go ya go bo tsaya gape pele ga le phirima.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up