E re go tlhalefa ngaka le bolwetse o ....

Nthepha o ne a nna mo go nngwe ya matlo a barutabana kwa Lentsweletau. O ne a na le ngwaga a le foo, a ne a tla a huduga go tswa Tsabong. Kwa Tsabong gone, o ne a sale a ile fa ba fetsa dithuto tsa bone tsa borutabana kwa Lobatse.

Ba kgaogana ka ditsela. Fa Nthepha a ya Tsabong, Tshetsana  a leba Bobonong. Ba kopana jaana Tshetsana a le mosha go goroga mo Kopong.  Ene a segofala a boa kwa Bobonong, a tla gae. Nthepha ene o ne a sa ntse a ipotsa gore, a e tlaa re tsatsi lengwe, le ene a ipone a direla kwa gae, kwa Ratholo.

Ka ka nako eo ditsela e ne e ise e nne tsone sentle, go ne go le thata gore ba etelane. Le gone go tlhaeletsanya ka mogala tota go se motlhofo. Letsatsi la ditshupo la thusa la ba kopanya. Ga apewa, ga jewa, dikgang di ela jaaka noka e tletse. Morago ga dijo ke le setse le ile. Tshetsi a se ka a tlhola a re o fodisa matshego. Ba laelana, a gopola Kopong.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up