Ga nna fela jalo

Ga nna fela jalo. Ka dilo dingwe, jaaka molao ole wa dikole dingwe, le ole wa ditlhatlhobo tsa mophato wa botlhano, (Form V) Sekgoa sa tlotlomadiwa go feta Setswana.

Jaaka re bonye, selo se sa tsenya Batswana mowa wa gore, go itse go bua Sekgoa ke gone go rutega; ke bone botlhale. E re fa motho a ka itse Sekgoa, mme gone a se na bope botlhale jo bo kalo, go twe o botlhale ka o itse Sekgoa. Yo mongwe ene go twe ga a rutega mme o botlhale ka o itse Sekgoa.

Ka go dumela gore Sekgoa ke bone botlhale, bontsi bo felele bo  itse  go se bua, go se kwala, le go se bala, go feta jaaka bo ka bua, jwa bala, jwa ba jwa kwala Setswana. Neela bangwe sengwe se kwadilwe ka Setswana o re ba se bale. Ba tlaa go bolelela gore Setswana se thata e bile se a dikologa. Ba reye ba kwale sengwe ka Setswana. Mafoko a golagane mo o ka se ke o itse gore, tota go iwa kae, le gore go ne go kwalwa efe teme. E re o botsa gore ke eng go direga jaana, karabo e nne gore Setswana se thata.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up