Di e lemile bogole fa kae?

Letsopa la maloba le lelela gore Setswana se ile, ga se sa tlhole se buiwa jaaka ba fitlhetse se buiwa. Ba re mafoko mangwe a maloba a nyeletse, a meditswe ke a masha.

A mangwe a sa ntse a le teng, mme ga a bidiwe jaaka a ne a bidiwa nako ele. Go kwalwa le gone, Setswana se kwalwa se latlhelelwa fela. Puo e re dilo tse di sulafaditse Setswana, ga se sa tlhole se le monate jaaka pele. E re go buiwa jaana, potso e nne gore, gone mme dilo di senyegile fa kae?

Ga re itse mme Mmualebe ene o dumela gore, tema di sale di e lemile bogole nako ele fatshe leno le sa ntse le busiwa ke Mmamosadinyana.  Ka nako eo, go ne go dumelwa gore fa motho a tsenye sekole, kana a rutegile jaaka go a tle go buiwe, o tshwanetse go utlwiwa a bua Sekgoa a bo a se ntsha ka dinko. 

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up