Ba re a kgotla e na le phuthego?

Tiro nngwe ya mopalamente ke go etela kgaolo ya gagwe go ultwa gore batlhophi ba gagwe ba tsoga jang le go ba lekodisa ka tiro ya palamente. Fa mopalamente a etetse kgaolo, o ka tshwara (buisa) diphuthego kwa kgotleng. Ka gale fa phuthego e tshwerwe kwa kgotleng, e bidiwa ya kgotla.

Go begwa fa nngwe ya diphuthego tse e ne ya tshwarwa ke mopalamente wa Molepolole Borwa mo malatsing mangwe a a fetileng, kwa Goo Ntloedibe le Ramakgatlenyane, gone mo kgaolong ya gagwe.

Go na le mananeo a ka one, puso e lekang go thusa banana go itirela dikgwebo. Gantsi go na le selelo sa gore, batho ba ba ka bong ba thusiwa ka mananeo a, ga ba bone thuso e e leng yone sentle. Bangwe ba re ga ba arajwe ka nako gore a dikopo tsa bone di atlegile kgotsa nnyaa. Ba bangwe ba re, ga ba ke ba itse gore ba tshwanetse go dira jang go ikopela go thusiwa ka mananeo a. Go utlwala fa mopalamente a ne a feta ka kgang e mo diphuthegong tsa gagwe. Ga twe mopalamente o ne a re ga a itumelele go bo badirela puso ba sa tsene diphuthego tsa kgotla. Mme thata o bolelwa a ne a lebile lephata la banana a re go na le dilo dingwe tse di ka tlhalosiwang botoka ke badiredi ba lephata kwa diphuthegong tse. Mo go bo go raya gore fa badiredi bao ba se yo, ga go na thuso epe e e botoka e batho ba ka e bonang.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up