Di ntse di tsweletse

Re setse re kile ra bua gore phoso e gantsi e drafalang fa go kwalwa Setswana, ke go kwala mafoko mangwe a tshwaraganngwa mme one a sa tshwanela go tshwaragana. Mo nakong e e fetileng, re ne ra ntsha dikai dingwe tsa mafoko a, ra bo ra tlhalosa gore ke eng a sa tshwanela go tshwaragana.

A re bone dikai dingwe tse re neng ra bua ka tsone. Dingwe tsa dikai ke lefoko ‘ale’ le ‘bane’ Nako ele re ne ra re ‘ale,’ jaaka le kwadilwe jaana, ke lesupi.  Ke gore le kaya/supa sengwe se le fale, kgakala le rona.  Fa re re, ‘Mabele ale a jewa ke dikoko,’ re bua ka mabele re a lebela fale, kgakala le rona.  Mme fa re re, ‘Magodu a le mabedi a tshwerwe,’ re bua ka palo ya batho ba ba tshwerweng. Ela tlhoko gore fa, ra re ‘a le.’ Ke mafoko a mabedi e seng lefoko le le lengwe.  Gantsi mafoko mangwe a kwalwa jaaka e kete ke masupi mme mo go se go buiwang ka sone gone, a sa dirisiwa jalo. 

Lefoko le lengwe ke ‘bane.’ Ka fa le kwadilweng ka teng fa, lefoko le, le kaya palo; le raya bone.  Fa re re, ‘Go buile batho ba le bane fela,’re bua ka palo ya batho ba ban eng ba bua. Mme fa re re ‘Ba ne ba bua thata,’re bua ka se batho bangwe se dirileng. Ga re sa tlhole re bua ka palo.  Phoso fa ke gore gantsi fa go ka bo go twe ‘ba ne’ ga twe bane jaaka e kete go buiwa ka palo (bone).

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up