Gotsenelela

Re tlaa tswelela le kgang ya maloba e mo go yone re neng re bua ka lefoko ‘go tsenelela.’ Maloba potso e ne e le gore, fa re re motho o ne a tsenelela tiro, kgotsa moletlo mongwe, a re bua sentle, a ga re fapoge Setswana.

Go alela kgang, re ne ra bua ka makgotla a dikoporase.  Re ne ra re, dikoporase di ne tsa dirwa/tlhamiwa ka mogopolo wa go kgothatsa Batswana go dira mmogo le go ithuta kgwebo. 

Tsholofelo e ne e le gore, ka go dira mmogo, Batswana ba ka itlhatlosa mme fa go ntse go tsweletse, ba tlhatlosa le yone itsholelo ya lefatshe la bone.  Re bonye gore, e re le ntswa se e ne e le mogopolo o montle, e rile fa o setse o diragadiwa, dilo tsa ya go sele, e seng kwa go neng go solofetswe teng. Bontsi jwa dikoporase di ne tsa wa ga sala di se kae fela, nngwe ya tsone e le Southern Kgalagadi Multipurpose Cooperatves.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up