A a farologana

Erile kgwedi ele ra tshwara kgang e e neng e tlhalosa gore lefoko ‘gogorupa’ le raya eng. Go alela kgang ya rona, re ne ra bua ka thulaganyo e go bolelwang fa e le gaufi le go simololwa ya go duela bagodi, batlhoki le masole a ntwa ya bobedi ya lefatshe ka karata.

Re ne ra utlwa fa karata e tlaa bo e dirisiwa boemong jwa bukana e e leng yone go ntseng go duelwa ka yone.  Ka fa pego e e neng e bua ka teng, mo malatsing a, bagodi, batlhoki le one masole a ntwa ya bobedi, ba tshwanetse ba bo ba ikwadisa gore ba tle ba fiwe karata e e tlaa bong e emela bukana ele. Thulaganyo e ne e le gore go ikwadisa go simolole Moranang e le masome mabedi le bone mme go fele kgwedi eno (Motsheganong) e le masome a mabedi le boraro.  Go dirisa karata gone go tshwanetse go simolola Seetebosigo e rogwa.  Re utlwile gape fa karata e tlaa tla ka ditselana dingwe tse di botoka go na le bukana.

Nngwe ya ditselana tseo ke gore, mo mafelong mangwe, boemong jwa go duela ka madi, go ka duelwa ka karata. Gape ga twe karata e ka thusa ba ba e dirisang go tsaya madi ba tlopola go na le jaaka gompieno ba tsaya gotlhe fela nako e le nngwefela, ba sa tlogele sepe. Mme e re ka moso tshega e fapogile mahunelo, motho a tlhoke kwa a tshabelang teng. E rile e bega ka thulaganyo ya go dirisa karata, Dikgang/Daily News (Dikgang Labobedi Moranang 22, 2014) ya re;

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up