Ke leo gape

Go bonala fa Batswana bangwe ba sa itsapele puo e e reng, maano a botshelo ga a site. Gompieno re utlwa fa mosadi mongwe kwa Salajwe, mo Kweneng Bophirma, a ne a rutiwa go dira jeme ya lerotse, e le leano la botshelo. Re itse fa lerotse e le sengwe sa dijo tsa Setswana mme le dirisiwa ka ditsela tse dintsi.

Bangwe ba tle ba le je le le tala, ba le ja fela jaaka go nowa legapu. Bangwe e re ba se na go le ja jalo, ba phure logare, fa ba bangwe bone ba tle ba bese logare loo, ba lo je lo budule. Kwa ntle ga moo, logare loo, lo ka apewa lwa jewa lo apeilwe, e seng lo besitswe.

Go ntse go ntse jalo, lerotse gape le ka tlhabelwa, ga apewa bogobe ka lone mme bangwe ba bo rate thata. E re fa go le modiro mongwe, jaaka lenyalo, dijo di tla, ba botse gore, a ga go na bogobe jwa lerotse, mme fa bo le teng, ba itumele thata. Gape, e re le tlhabetswe jaana, go apewe dinawa ka lone; dinawa tse, bangwe ba re ke legodu. Malatsi ano, ba le bantsi ba itse lerotse ka go dira kgodu. Le apewe, le fetlhiwe, mme moo, go bidiwe kgodu. Le yone fa e dirilwe sentle, e bedile, bogobe jwa yone bangwe ba bo rate thata.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up