A re se re tshosologa

E tlaa re le gompieno re boele maropeng re bue ka polelo ele, e mo go yone re neng ra utlwa fa e ne ya re ka kgwedi ya Seetebosigo mopalamente Prince Maele a etela metse ya Matlhakola le Mokungwana e e leng mengwe ya metse ya kgaolo ya gagwe ya Lerala-Maunatlala. Re ne ra utlwa gore, a le koo, morafe wa lela ka dilo dingwe. 

Go ya ka yone polelo, batho ba lela thata ka go diegelwa go bewa ditsha tsa bonno.

Re itse gore, ka molao wa lefatshe leno, motho ga a itseele lefatshe fela a nna, kana, a aga foo.Lefatshe le a kopiwa mme mokopi a letele lekgotla la kabo ditsha go mo fa, kgotsa, go mmaya. Fela, nako nngwe lekgotla le se ke le akofele go araba mokopi, go mo fa setsha. Re ne ra utlwa fa se, e le sone selelo kwa Matlhakola le Mokungwana. Fa seemo se ntse jaana, go se ke go nne monate ka Motswana a re, motho ga se nonyane, ga a age mo godimo ga setlhare. A fetele pele a re, sotse (lerotse) la makopo ga le na kgodu. Go bua jaana, Motswana a bo a raya gore, motho o tshwanetse go nna le setsha sa gagwe, a ikagela; gape ga a ka ke a tshelela ruri ka go kopa boroko. Se, e nne sone selelo gore fa batho ba sa akofelwe ba fiwa ditsha, ba tlaa nna kae.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up