A re latlhe ng yoo

Fa motsadi a na le bana golo gongwe, e a re letsatsi lengwe a rwale ditlhako, a tswe ka kgoro, a wele tsela, go ya go ba lekola. Fa a goroga koo, ba mo lekodise gore ba ntse ba tsoga jang mme le ene a ba rolele se a tlang a se ba tsholetse, e ka nna mhago wa dijo, kgotsa, dikgang dingwe tsa botlhokwa.

Jaanong re utlwa fa e ne ya re ka kgwedi ele ya Seetebosigo, mopalamente Prince Maele, a etela metse ya Matlhakola le Mokungwana. Metse e, ke mengwe ya metse ya kgaolo ya gagwe ya Lerala –Maunatlala mme ka maemo a gagwe re tseye morafe wa mafelo ao, e le bana ba gagwe. A goroga koo, mme ga nna jang?

Ga twe, fa ba mo itekodisa bana ba gagwe, selelo ya nna gore ba diegelwa go bewa ditsha tsa bonno. Mo go bo go raya gore, ga ba tsoge sentle ka ba kopa go bewa mme go tseye lobaka ba letile ba sa bewe. Fa motho a letile jalo, mme se a se letileng se sa bonale, a bo a ka felela a itlhoboga, a dumela gore o letile lefifi. Go bonala fa se, se direga kwa Matlhakola le Mokungwana. Re utlwa gore, bana ba metse eo, ba felela ba kopa ditsha go sele mme ba bewe koo. Go ya ka polelo, seemo se, se se ke se itumedise morafe kwa Matlhakola le Mokungwane ka bana ba felela ba huduga mo gae ba ya go aga kwa metseng e ba filweng ditsha kwa go yone.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up