Lefelo leo, le dikaganyeditswe.

Go bolelwa fa bogodu jwa loruo, bogolo jang jwa dikgomo, bo le bontsi thata. Selo se, se tshwenye ka gore botshelo jwa Motswana, le yone itsholelo ya lefatshe leno, di itshegeditse ka kgomo.

Selelo e nne gore, fa seemo se ka tswelela se ntse jaana, sa ba sa golela pele, Batswana bangwe ba ka felela ba apere kobo ka letshoba, le yone itsholelo ya lefatshe e koafale. Mme fa go ntse jaana, botshelo e nne eng? Go nne thata, go tshelwe ka bosesane.

Ga se rona ke Setswana sa re, ‘Masepa a ntsa a dujwa, a dubiwa, a sale metsi.’  Se raya gore, dilo tse di maswe, jaaka jone bogodu jwa loruo, di tshwanetse go thibelwa, go lwantshiwa, di sale disha e se re gongwe, seemo sa tloga sa etegela, ga senyegela pele. Jalo he, e ne ya re go bona bogodu jwa loruo bo atile mo go kalo, puso ya tla ka lenaneo la Kgomokhumo e le go leka go bo tlhabantsha gore barui ba se ka ba tloga  ba felela ba iphotlhere, loruo lwa bone lo ile le naga.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up