A re kgaoganye

E a re ba bua ba re, ngwao boswa. Ba re go bua jalo ba raya gore ngwao ke yone bokao jwa setshaba; e farologanya motho le batho ba bangwe, e farolganye setshaba le ditshaba tse dingwe.

Ba tswelele ba re, ka ngwao ke boswa, e tshwanetse go babalelwa, ya somarelwa, gore e tle e fitlhelwe le ke dikokomane tse di tlang. Bangwe ba re, ka ke eo e lebega e nyelela, re tshwanetse ra leka ka thata go e tsosolosa. Jalo he, malatsi ano, re a tle re bone go tshwerwe meletlo ya go leka go tsosa ngwao. Ka merafe ya Batswana e farologanye, meletlo e tshwarwe mo mafelong a a farologanyeng go ya ka merafe eo.

E re bangwe ba tshwere Dithubaruba, e le moletlo wa ngwao, ba bangwe ba tshware o mongwe fale mme ba o bitse ka leina le sele la morafe wa bone.. Ba bangwe ba dire Dikgafela fa bangwe fale bone ba bolotsa bojale le bogwera. Godimo ga moo, go nne le mmino o o farologanyeng, e ntse e le go ya ka merafe ya Setswana. Mongwe go twe ke Borankana, Phathisi, Polka, mongwe o bidiwe ka leina la morafe oo,  go twe ke wa Sebirwa, kana, wa Sekalaka. Go ntse go ntse jalo, go nne le mmino mongwe o itiretswe ke setlhpha sengwe, kgotsa, ke motho mongwe, a le nosi fela foo, mogopolo e ntse e le go leka go somarela ngwao.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up