A re leboga tiro kgotsa modiri?

A e re le gompieno re ikgate motlhala re bue ka moletlo ole wa ngwao o re neng ra utlwa fa o a tle o tshwarwe kwa Shoshong. Nako ele re ne ra utlwa gore, moletlo o, o tshwarwa ngwaga le ngwaga mme o bidiwa Mokoto.

Go tlhalosa leina le, re ne ra re, ga re itse sentle mme re dumela gore, le biditswe ka gore, ka tsatsi la moletlo o, go jewa one mokoto tota. Mme one mokoto, e le eng? Mokoto ke nama e e jewang kwa kgotleng. Ka ngwao ya Setswana, ka kgotla ga e tsenwe ke basadi, nama e, e jewa ke banna fela. 

A re tlhalose gore, ngwao ke ya Setswana mme, go ya ka merafe, e farologana fale, le fale. Fa go buiwa ka nama e, morafe mongwe one o tsaya tlhogo ya kgomo, o e thubaganye ditokinyana, e apewe mme e jewe e le one mokoto. E re bangwe ba ka hakgamala, ba botsa gore a tlhogo ya kgomo e na le nngwe nama, ba ba jang bone ba bolele go le monate. A go ntse jalo, kana e a bo e le go bolela ntwa selala fela, ga re itse mme bone ba bua jalo. Kwa Shoshong gone, re utlwa fa go  tsewa dirwe (dinama) dingwe tsa kgomo, di tlhakanngwe le mateng, go apewe, e nne one mokoto. Ba ba o itseng, ba bolela mokoto o, o le monate thata.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up