A re ne re ela tlhoko

Go ntse go bolelwa gore, mananeo a puso ka go farologana, a tsweletse, a tlodisa Batswana bangwe dinokana di tletse. Gompieno re utlwa fa mongwe wa batho bao e le Rre Omphile Sethibenyane wa masimo a Naledi mo kgaolong ya Borwa (Ngwaketse).

Rre Sethibenyane o bolelwa e sale monana, a le dingwaga di le masome mararo le boraro. Go ya ka polelo e re e bonyeng, e rile go bona mananeo a le mantsi jalo, ene a ya le lenaneo la ISPAAD (Integrated Support Programme for Arable Agriculture Development). Go bolelwa gore, fela jaaka balemi ba bangwe, monana yo a simolola a fiwa dipeo, menontshane, a bo a lemelwa ditema tse tlhano tse ISPAAD e tlhatlosang balemi ka tsone. A leba, mme a bona dinawa, mmidi, le lablab, e le tsone di leng bogadi bo gaufi. A tlhomama mo go tsone.  Ya bo e le fa molemi yo, a simolotse, a gatetse pele.

Re utlwa gore, molemi yo, ga a lemele go ja fela mme gape o dira temo e le kgwebo. Go ya ka polelo ele, e a re go se na go  rojwa, Rre Sethibenyane, a sile lotlhaka le masalela a dinawa. E re selemo, phulo e le kwa tlase, a jese loruo lwa gagwe a bo a rekisetse barui ba bangwe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up