Ke eo gape

E a re re ntse re tsamaya mo, re bone batho ba rekisa dilo tse dintsi fa tlase ga ditsela. Re bone bangwe ba rekisa dilo tse di betlilweng ka dikgong kana dipolanka. Bangwe tse di dirilweng ka ditshipi.

Ba bangwe ba apeye dijo kwa malwapeng mme ba rwale ba ye go rekisa fa tlase ga tsela. Bangwe ba rekise tsa masimio, dingwe di budule, tse dingwe di le tala. Bangwe gape, re bone ba rekisa ditlhare. E re re bona jaana, bangwe re se ke re akanyetse gope kgakala, re tseye gore go felela fela foo. Re tseye gore tiro ke go rekisa fela, le gore o bone sengwe o lale o laletse. Nnyaa, ga go a nna jalo. Bangwe ba akanyetsa pele.

Gompieno re utlwa gore kwa Kgatleng, ka kgetsi ya tsie ke go tshwaraganelwa, balemi ba ipopile, ba itlhamela mokgatlho. Go lebega balemi ba, ba ne ba bona gore fa ba ka dira ba kgaoganye, mongwe le mongwe a eme fale ka nosi, ga go na go tswa tema epe. Ba bona gore, gore ba tswelele, ke gore ba bo ba ipopile ba le ngata e le nngwe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up