A mafoko ao, a kgaogane

Gangwe le gape, re a tle re utlwe go twe golo gongwe go tsogile, kgotsa, go ne go tsogile kgang ya bogosi. Kgang e le eng? Kgang e le gore motho mongwe yo a neng a ntse a tshwere maemo ao ka mabaka mangwe o a tlogetse, mme go tshwanetse ga bonwa mongwe a tsena foo. Gantsi, e re morafe o ka bo o dumalana, o nna seoposengwe, gore foo go tsene mang, o thubege ka bogare.

E le sekai, e re bangwe ba batla Sehatakupa, ba bangwe bone ba batle Lehatlhakgoha. Go ntse jaana, kgang e nne thata ka ga di gogele gongwe.

Gompieno re utlwa fa kgang ya go nna jaana e ne ya tsoga kwa Mmashoro, mo kgaolong ya Legare, morago ga gore Kgosi Mompati Wabobedi a tlogele tiro ka bogodi. Go ya ka polelo e re e bonyeng, fa Kgosi Mompati a se na go suta, setilo sa newa Rre Opelo Disang, yo ene a neng a ntse a le letsogo la kgosi; ke gore, e le mothusa kgosi.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up