Ka tsebe gone a reng? (2)

E rile maloba ra supa gore lefoko 'tsebe' ke lengwe la mafoko a Motswana a a dirisang go natetsha/natefisa puo kana go e kgabisa. Re ne ra re, mafoko a, a bidiwa manatetshapuo ka gore, jaaka re bua, a dirisiwa go natetsha puo; go e natefisa kgotsa go e kgabisa.

Mme gape, a bidiwe dipapisapuo ka gore, a natefisa puo ka go e bapisa, ka go bapa nayo, e seng go e bua e tlhamala. Ka gone go bapisa puo mo, e re mafoko a, a dirisiwa, bangwe ba utlwe ba tlhaloganye, mme bangwe bone ba latlhege, ba se ke ba tlhaloganye se go buiwang ka sone.

E re fa Kgabutlwe a ka raya Dimenye a re, ‘Nnapela toise foo,’ ba eme tlhogo, ba hakgamale gore, toise e le tshipi, e le thata jaana, e ka napiwa jang. Gongwe ba bo ba ka ipotsa gape gore, yone toise eo, e napelwa eng, molato wa yone ke eng.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up