Ka tsebe gone a reng?

Re setse re itse gore, ga e re Motswana a bua, a tlhamalatse puo gore e utlwale sentle mo go botlhe. Gantsi Motswana o kgabisa puo kana a e natefise ka go e bapisa.

Ka gone go dira jaana, Setswana sa felela se na le mafoko a a bidiwang manatetshapuo kgotsa dipapisapuo. Re setse re kile ra bua ka dingwe tsa dipapisapuo tse, mme gompieno a re utlwe gore e a re Motswana a natefisa puo ka lefoko ‘tsebe,’ gone a reng.

E a re a ntse a tsweletse a natefisa puo, Motswana a re go na le go tlhwaya tsebe. Go bua jalo, a raya eng? Ka go tlhwaya tsebe, Motswana o a bo a raya go reetsa. A re re, Bodikelo o ya ga Segaolane, o latela basimane koo. Fa a ntse a tla, o utlwa go tsogile modumo mme ga a utlwe gore tota go buiwa ka eng. O a goroga, o tsaya setilo, o nna fatshe. Fa a le foo, kgang ya basimane e ntse e a tswelela mme o reetsa thata.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up