Mafoko ao, a a kgaogana

Pego nngwe e supa gore, e ne ya re ka kgwedi ya Phukwi, mopalamente Maele a begela morafe wa kgaolo ya gagwe ka dilo dingwe, sengwe sa dilo tseo e le diphetogo dingwe tsa molao wa matimela.

Re itse gore, matimela a a phuthwa, a tlhatlhelwe golo gongwe. E re a le koo, Khansele e a tlhokomele; e a dise, e a nose, e tlhokomele le badisa ba one.  Fa bangwe ba timeletswe ke dikgomo mme ba batla, ba bo ba ka batlela koo.  Fa di le teng, ba di fitlhele, mme fa di se yo, ba itlhoboge, ba fetele pele.

Godimo ga moo, Khansele le yone e nne e batlise barui. E anamise ka seromamowa gore, kwa lesakeng lengwe, mo kgaolong nngwe, go na le matimela. A re re, lesaka leo ke la Dipoana mo kgaolong ya Matlametlwana. Seromamowa se tlaa bolela lesaka leo, le kgaolo eo, ka leina. Se se ke se felele foo. Se tswelele se bolele mebala ya dikgomo tseo, le matshwao a tsone, go itsise barui ka botlalo gore dikgomo tseo ke dife.  Mme fa bangwe ba ka utlwa gore tsa bone di koo, ba di latele, ba fete ba di tlhaole, di ye go goroga kwa ga tsone. Go se na go nna go tlhaolwa jalo, dingwe di sale, di tlhoke beng, mme e nne e nne morwalo wa khansele. La bofelo, khansele le yone e tlhobogile, e bile e imetswe ke go disa dikgomo tse di se nang beng, e rekise ka palabalo gore e tle e latlhele sengwe mo letloleng la yone.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up