Thoko ga se tiro

E rile nako ele ra utlwa gore, Setswana sa re, ‘'Mookodi wa pula o beelediwa ntlheng tsotlhe,' se raya gore, botshelo bo lekwa ka tsela tse dintsi tse di farologanyeng.' Go twe, fa o leka, kgotsa o re o leka botshelo ka tsela nngwe mme go nna thata, se itlhoboge, leba ka ntlha e nngwe mme o leke ka koo.

E ntse e le Setswana se re, ‘Maano a botshelo ga a site, go sita a loso.’ Se ntse se raya gore, fa botshelo bo le thata, se itlhoboge, batla leano lengwe la go itlhatlosa, o leke ka lone.

E le go sala mafoko a morago, gompieno re utlwa fa go na le kgwebo nngwe kwa Francistown, e bidiwa Monglachaa Company. Ga twe, kgwebo e, e tlhamilwe ngwaga ono o simologa ke banna ba le babedi, e bong Rre Molemogi Chalashika go tswa Tamasane, le Rre Oarabile Tauyatshipi, ene a tswa Goshwe. Ka tsela nngwe, banna ba, ba kopana mo Francitown. Go bolelwa fa Rre Chalashika a le dingwaga di le masome mararo le boferabongwe, Rre Tauyatshipi ene a le masome mabedi le bosupa.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up