Re amogela gore ke phoso

Ba re puso e tshwanetse go tlhabolola lefatshe ka go direla setshaba tse se di tlhokang. E tshwanetse go aga ditsela, ya aga dikole le dikokelo, ya fetlha motlakase le metsi, ya ba ya dira le tse dingwe tse dintsi.

Ba tswelele ba re, fa tse di le teng, di bile di tlhokomelwa, batho ba ka tshela sentle, ba ema ka dinao go leka go itirela botshelo, le gone go tsosa itsholelo ya lefatshe la bone.

Le fa go ntse jalo, kgang nngwe e re, puso ga e ka ke ya kgona go dira tse tsotlhe e le nosi. E re, ka moroto wa e esi ga o ele, a e re puso e tshwere e leka ka fa, setshaba le sone, ka ditsela tse di farologanyeng, se tsenye lebogo, se thuse. Go twe, a e re puso e duelela bana sekole, batsadi le bone ka ntlha e nngwe ba latlhele sengwe. Go twe fa go dirwa jalo, kgetsi ya tsie e tshwaraganelwa, tema e ka bonala.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up