A re tlhotlhore kgetsi

Gompieno re tlhotlhora kgetsi e re ntseng re rafa manatetshapuo a 'go jela…..' mo go yone. Re setse re buile ka manatetshapuo a, a le mokawana mme maloba ra wetsa kgang re bua ka go jela mo isong.

Go tlhalosa lenatetshapuo le, re ne ra re, go na le gore e re go apeilwe nama, e re e  ise e butswe, go nne go inolwe, go twe go utlwiwa letswai. Go dira jaana go a bo go se molato ka e a bo e le go utlwa gore, a go lokilwe sentle, letswai le lekanye, le a utlwala, kgotsa le tlhaetse, le batla go okediwa. Gape, e a bo e le go utlwa gore, a ga le lentsi thata, bangwe ba tloga ba re, le tlaa ba lwatsa.

Bangwe ka boammaaruri, ba utlwe letswai. Fa le siame ba tlogele, fa le tlhaetse, ba latlhele gape gore le utlwale. Ka ba bangwe baapei, go se ke go nne jalo. Molato o tswe gone fa. E re le fa letswai le siame, go nne go inolwe, go inolwe, go inolwe fela jalo. Fa tiro e tshwana le ya lenyalo, e re pitsa e ne e le baapei babedi fela, e tloge e nne baapei bantsi.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up