A re se re 'di efa'

Batho bangwe, ka mabaka mangwe, ba a tle ba tlhaele go tsena sekole. Bangwe ba se tsene, mme le bone, ka mabaka mangwe a a rileng, ba felele mo tseleng, ba se ke ba fetele gope kgakala. Seemo se, se tlhobaetse.

Potso e nne gore, a mme motho o ka nna fela a sa itse go bala le go kwala? Jaaka bangwe ba tle ba bue, le fa e le tlhaka ya ntlha ‘a,’ a sa e itse, kgotsa leina la gagwe, a ka se ke a  le kwala. Go twe, a go ka nna monate, motho a tsenye sekole, mme le fa e le lokwalo lwa bosupa, a sa le kgona. Go se ke go nne monate, go tshwenye.

Ba a tle ba re, thuto, kana go tsena sekole, go ka thusa motho go itlhabolola le go tlhabolola lefatshe. Mme motho a sa tsena sekole, a bo a ka itlhabolola jang? Mo go bangwe, go nne thata. Go bona seemo se ntse jaana, puso ya tla ka mogopolo wa gore, a mongwe le mongwe, ngwana le mogolo, a lekelwe go tsena sekole. Ya nna gore, a motho a se tlhobogwe, ga twe, o motona, o fetile dingwaga tsa go ithuta. Ga twe, a dikgoro di bulwe, fa motho  a na le kgatlhego, le ene a tle go iteka, a tlhaelele golo gongwe. Go diragatsa mogopolo o, puso ya tla ka lenaneo la Thuto Ga E Golelwe (Adult Basic Education Programme/ABEP). Tsa bulwa dikgoro. Ba ba batlang sekole, le ntswa motho a fetile dingwaga tsa sone, ba goroga; ya tswelela Thuto Ga E Golelwe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up