Motho ga a tswe yo mongwe tema

E a re se tswelela Setswana se re, 'Moroto wa e esi (kgomo e e esi/nosi,) ga o ele.' Se raya gore, tiro e kgonwa ka go pataganelwa. Ka e tshwaraganetswe, e dirwa ke batho ba bantsi, e nne motlhofo.

Mme le gale, a re se tseye gore, tiro nngwe le nngwe e ntse jalo, ke e e batlang go tshwaraganelwa. Fa re ka tsaya jalo, botshwakga bo ka nna bontsi thata. E re motho a ne a ka kgona tiro, a nne fela, a se ke a e dire. E re a bodiwa gore ke eng tiro e sa dirwa, a etse Mokotedi, a iphemele a re , ‘Kana wa e esi  ga o ele.’  Nnyaa, fa go twe ga o ele, ga go reye jalo. 

A re itse gore, go na le ditiro dingwe tse motho a ka kgonang go di dira a le nosi. Tse dingwe tsone, a le nosi, di pale; di batle batho ba le babedi, ba le bararo kgotsa palo nngwe e e tsopana. Tseo ke tsone e reng go buiwa ka tsone, go twe, wa e esi, ga o ele. Ka lone lebaka le, re utlwa fa kwa Francistown, go na le mokgatlho mongwe o o bidiwang Francistown Women Collective. Ga twe mokgatlho o, o tlhamilwe ngogola ka Tlhakole, ke basadi ba le lesome le bobedi.  Go bolelwa fa jaanong Women Collective e setse e aname le toropo ya Francistown, e bile e na le maloko a feta masome a mararo.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up