Lefoko leo ke lesupi

Ka dingwaga tsele, e ne e a re fela jaaka selemo se tsena, pula e bo e na. Pula ya ntlha, ya kgwedi ya Phalane, e ne e bidiwa ya sephai; go twe pula e a phaila. Mme le fa pula e, e ne e ka na e le ntsi jang, balemi ba se ke ba itlhaganelele go lema; ba name ba eme, go twe mmu o sa ntse o tshwara bokgola (bongola).

Ka Ngwanatsele, ba setse ba bona gore mmu o siame, dijwalo di ka itshetlela, ke gone di latlhelwe dijokwe, megoma e tsene mo masimo, seme se lele. Kgomo ke eo, e ne e bidiwa Aforekannere, e goge, e re kgantele o utlwe e suma jaaka mosoko o gana go butswa.

Fa ngwaga e le one sentle, go dike go jewa letlhahula le lentsi, go se dijo dipe tse di kalo tse di rekwang. Thobo le yone e nne teng, difala le disigo di tlale, ngwaga o ye koo, go jewa dijo tsa Setswana fela.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up