A e a bo e le mogopolo go eta?

Keletso ya motsadi mongwe le mongwe ke gore, ngwana a tsene sekole, mme a se tsena gaufi, a sa gabalale, go se latela gope kgakala. Mo mafelong mangwe, go ntse jalo. Bana ba tsena sekole mo gae, ga ba tsamaye mesepele epe e meleele go se ya ka kwa ntle ga motse wa bone.

Mo go a mangwe, go bonala go sa nna jalo. Koo, bana ba sa ntse ba tsamaela kgakala go latela sekole go sele.

Pego nngwe e supa fa go ntse jalo kwa Boro, motse mongwe wa kgaolo ya Goo Tawana/ Maun. Ga twe, kwa Boro, ga go na sekole. Mme gore bana ba se ka ba nna fela, go bolelwa fa mo nakong eno, ba tsena kwa Matlapaneng. Go utlwala fa mosepele wa go tswa Boro go ya Matlapaneng o le moleele thata, bana ba tsamaya dikhilomethara di le masome mabedi tsatsi le letsatsi. Se, e se ke e nne selo se se monate ka bana ba tsenwa ke letsapa le lentsi thata. Gongwe e re le ngwana a tsena kwa gae, a fitlhela go se na sepe sa go tshwara legaba, a palelwe ke go itlhomela potwane mo isong.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up