Re ntse re a gakolola

Motswana o a tle a re, batho bangwe ba itsholetse, ba bangwe ba a itlhaela, e le tsela nngwe ya gore, batho ga re lekane, re se meno. Go bua jalo go a bo go rewa gore, batho bangwe ba na le dithata tsa go leka botshelo, ba itirela sele le sele, fa ba bangwe bone ba se na dithata tseo, kgotsa di le teng mme e se tsa sepe, ka jalo ba imelwe ke botshelo.

Seemo se sale jalo, ga tla lenaneo la Tebelopele ya 2016,  (Vision 2016) lengwe la matshego a lone e le gore Batswana ba nne tshaba e e kutlwelobotlhoko. Batswana ba ema ka dinao ka go farologana, go thusa ba ba itlhaelang. Batho ba thusiwa ka ditsela tse dintsi tse di farologanyeng. Bangwe ba agelwe matlo, ba bangwe ba fiwe dijo, bangwe re utlwe go twe ba filwe mesangwana, ba bangwe tse dingwe fela jalo. Ngwaga wa 2016, one wa Tebelopele, o sale o fetile, mme matshego a one, one a sa ntse a tshegeditswe. Mowa ole wa go thusa ba bangwe, o sa ntse o le teng.

Gompieno re utlwa fa kwa Mochudi go na le lekalana lengwe la sepodisi le le bidiwang Mabodisa Cluster. Go bolelwa fa lekalana le, le lone le iteka, le thusa ba ba itlhaelang fale le fale. Re utlwa gore, e rile ka kgwedi ya Mopitlo monongwaga, Mabodisa Cluster ya agela mosadi mongwe kwa Mochudi logora. Ka Setswana, re itse logora lo ne lo agiwa ka matlhaku, e re go ntse go ya, dipeba di age mo go lone. Fa go sa dirisiwe matlhaku ,go dirisiwe dikota. Mme matlhaku a ne a tlotlegile go feta dikota. Nako nngwe e a re batho ba bua ka tiragalo nngwe ya bogologlo, ba re, ke ya nako ya dipeba di sa ntse di nna mo logoreng, ba raya logora lwa matlhaku. A gompieno o sa ntse o ka e bona peba mo logoreng? Ga di yo.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up