Re tswelela ka go tshwara...

E tlaa re gompieno, re tswelele le lenatetshapuo le le reng, go tshwara .. Pele, a re supe gore, lefoko le, le manatetshapuo mantsi mme gongwe, re tlaa felela re tlopotse fela, re sa bua ka one otlhe.

E a re Motswana a ntse a natetsha puo, a e bapisa, a e kgabiisa, a re go na le go tshwara lephoro, a raya go tshwara lefela, kana go itswela fela. A re tseye sekai re re, Kutlwelo o dikile a lemile. Ka tshimo ya gagwe e bogale, tsa tswa dijwalo, tsa tla di phephetha. E re a ile go di lekola, a fitlhele di eme sentle, a bone gore, tota o tlaa dika a robile. Fa a sa ntse a itsholofeditse jalo, ya tla gape tsie, ya etsa nako ele, ya uputsa.

Fa go rojwa, ke a selasela fale le fale, tota e le go ikgomotsa  fela. A roba, mme boemong jwa dikgetsi tse dintsi tse a neng a di solofetse, a bona dikgetsi tse tlhano fela, ke tsone a boela gae ka tsone. Gone e ne e le sengwe, go ka twe, boremo jwa mogoma, ga bo tlhobogwe; mme ka go ne go le gonnye thata, go na le mo a neng a go solofetse, a se ka a wela pelo.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up