Legoelela ke eng?

Ka nako eo, a lelale loapi, a lope Morena gore e ne, e tle e re gongwe a dike a orile wa mariga. Fa ngwaga e le one sentle, e tle, mme ka e a bo e le pula ya ntlha ya ngwga, go twe e a phaila. Jalo he, e bidiwe ya pula ya sephai. Fa e nele sentle, e re ka kgwedi ya Mosetlha, bangwe ba itlhaganele ba beye tema.

Ngwaga ono, jaaka re bonye, pula e ne ya ganana. Motswana a lelala a bo a lapa molala, ya se ka ya na. Bangwe ba tlaa re, ya kalela. Le fa go ntse jalo, mo mafelong mangwe ya utlwalelwa fa e ntse e gaola, mme tota e se ya go lema jaaka batho ba ne ba eleditse, e le e e senyang. E tsene, e rutlolole matlo, mangwe e a dige.

Go utlwala fa motse mongwe o o neng wa bona tiragalo ya go nna jalo, e le wa Struizendam kwa Kgalagadi Borwa. Ka fa go begwang ka teng, pula e ne ya feta ka motse o, kgwedi ya Hirikgong e le masome mabedi le bobedi. Go bolelwa fa pula e, e ne ya tla ka phefo e e bogale, e bile e na ka sefako, mme ya senya fela thata kwa sekoleng le kwa motseng. Ga twe kwa sekoleng, e ne ya rutlolola matlo mangwe a borutelo,  ya ba ya diga le matlhabaphefo, a bangwe ba reng ke diokomela bagwe. Kwa motseng le gone fela jalo ya rutlolola leobo la kgotla le matlo a batho bangwe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up