Leemedi le e leng lone ke lefe?

A ntse a a feta malatsi mme Tautona Khama le ene ga a ipone tsapa.

Ka Botswana o namile, ga a ka ke a mo tsamaya a bo a mo wetsa ka letsatsi, o ntse o tsweletse ka loeto lwa gagwe. O tsena dikgaolo le metse ka go farologana, a laela Batswana, a ba sadisa sentle. Re itse gore, Tautona o laela jaana ka e tlaa re kgwedi ya Moranang e rogwa, a bo a latlha teu, a neela yo mongwe go di etelela pele.

Go bua jaana, ga re reye a etelela tsone dikgomo tota tse di gogang koloi; re bua ka maemo a botautona. Re itse gore maemo a, ke a boeteledipele, mme e tlaa re ka yone nako eo, Tautona Khama a a tlogele, a neye yo mongwe go etelela Batswana pele. Ke sone se re reng, o tlaa bo a latlha teu, a e neela yo mongwe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up