Ngwana wa mosimane o kae?

Bosheng go ne ga simolodisiwa ka fa molaong malatsi a le masome a mararo a ntwa kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana, mme tota kgwetlho e tota e e tshwanetseng ya sekasekwa ke seabe sa ngwana wa mosimane le bone bo rre.

Mme fela, re tshwanetse ra tsibogela ntlha e e botlhokwa ya gore mo dingwageng tse masome a mabedi tse di fetileng, bana-le -seabe, go akaretsa makgotla a a ikemetseng ka nosi le makalana ka go farologana a puso,  ba ne ba dira gole go ntsi go lwantsha seemo se.

Kgatiso ya mokwalo wa dipatlisiso tsa kgokgontsho ka bong mo Botswana, e eneng e itebagantse fela le bomme, e na ya senola mabaka a le mantsi a a bakang go kgokgontshiwa ga bomme le bana ba basetsana.  Mme fela, go na le sengwe se se tshwanetseng sa lemogwa mabapi le kgokgontsho ya bong mo Botswana. Motho o kare gongwe batho ba bomme ba sekae ba Botswana, ba setse ba simolotse go lemoga gore kgokgontsho ga e kake ya fenngwa fa ele gore ngwana wa mosimane  ga a sekegelwe tsebe mabapi le kgodiso ya gagwe.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up