Khansele gae tlhorontsho ope

Mogwebi yo mo potlana a leka go itshetsa borotho jo bo gadikilweng
Mogwebi yo mo potlana a leka go itshetsa borotho jo bo gadikilweng

Mothusatona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Botlhogile Tshireletso a re ga gona tlhorontsho epe e e kileng ya direlwa bagwebi ba mo mebileng ke Khansele ya epe mo lefatsheng leno.

Tshireletso a re Khansele ya Gaborone e tsaya tsia seabe sa bagwebi potlana mo go godiseng itsholelo ya toropo ya Gaborone, a re ke jaaka ba letleletsweng go rekisetsa mo mafelong a sechaba. 

Mothusatona Tshireletso a re le fa go ntse jalo, go tshwanetse ga netefadiwa fa Batswana e nna bone fela ba ba letlelelweng go rekisetsa mo mafelong a a bulegileng a sechaba. A re go tshwanetse ga elwa tlhoko gore ba rekisa dithoto tse di letlelesegang ka fa molaong mme eseng nnotagi, diritibatsi tse di seng ka fa molaong, melemo e e sa laolelwang go rekisiwa le go gweba ka madi a mafatshe a sele.

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up